Goitseone Moremi le Kelebogile Kgetse ba buisana le maloko a makoko a dipolitiki, go tswa African Transformation Movement (ATM) - Sello Qina, le go tswa kwa Patriotic Alliance (PA) - Lorato Mathopa
Go setse dibeke di le supa pele ga ditlhopo tsa bosetshaba le di-province. Ditlhopo tseno di tshwarwa mo kgweding e tlang. Baagi ba solofetswe go tlhopa makoko a tlang romelang maloko kwa kokoano ya bosetshaba le dikokoano-theo molao tsa di-province. Baagi ba tla tlhopa gape le bontlhopeng ba ba ikemetseng go ba emela kwa kokoano ya bosetshaba le dikokoano-theo molao tsa diprovince. Re ntse re buisana le baeteledipele ba makoko a a farologaneng le bontlhopeng ba ba ikemetseng, go seka seka makwalo a bona a ditsholofetso tsa ditlhopo, Manifesto. Gompieno re buisana le ba lekoko la African Transformation Movement, ATM le Patriotic Alliance, PA, go utlwa gore ba go solofetsa eng jaaka motlhopi.
Podchaser is the ultimate destination for podcast data, search, and discovery. Learn More